Goreng re rekisa papatso,
eseng dipholo tsa patlo

Mo lefatsheng le go lebegang sengwe le sengwe e le se se rekisiwang, goreng babapatsi ba sa reke lefelo le le botoka mo dipholong tsa rona?

Karabo e bonolo. Re dumela gore o tshwanetse go kgona go tshepha se o se bonang fa o dirisa Google. Go tswa kwa tshimologong, tsela e re dirang patlo ka yone e ne e ntse e le go naya badirisi ba rona dikarabo tse di maleba fela thata .

Dipholo tsa patlo ya Google di akanyetsa gore ke mang yo o gokaganyang le tsebe ya webo gammogo le gore diteng tsa tsebe di maleba go le kana kang malebana le patlo ya gago. Dipholo tsa rona di bontsha se badirisi ba mo inthaneteng ba dumelang gore se botlhokwa, eseng se rona kgotsa balekane ba rona ba akanyang gore o tshwanetse go se bona.

Mme lefa re dumela gore dipapatso tse di maleba di ka nna mosola go na le dipholo tsa mmatota tsa patlo, ga re batle gore ope a tsietsege gore dife ke dife.

Papatso nngwe le nngwe ya mo Google e tshwailwe ka phepafalo le go kgaoganngwa le dipholo tsa mmatota tsa patlo. Lefa babapatsi ba ka duela madi a mantsi gore ba bonadiwe kwa godimo mo lefelong la patlo, ga go na ope yo o ka rekang lefelo le le botoka mo dipholong tsa patlo ka botsone. Mo godimo ga moo, dipapatso di bontshiwa fela fa e le gore di malebana le melawana ya patlo e o e tsentseng. Seo se raya gore wena o bona dipapatso tse di leng mosola fela.

Ditirelo dingwe tsa mo inthaneteng ga di dumele gore pharologanyo e e fa gare ga dipholo tsa patlo le papatso e botlhokwa go le kalo.

Re dira jalo.